Luke 15

Sekai ka nku e e timetseng

1Mme bakgethisi ba ba sa ikanyegeng le baleofi ba ne ba tla gantsi go reetsa dithero tsa ga Jesu, 2mme mo ga tsosa dingongorego mo baeteledingpele ba tumelo ya Sejuta le bomaitseanape ba melao ya Sejuta ka gore o na a tsalane le baleofi ba ba ntseng jalo, ebile aa ja le bone! 3
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 15:4.
4
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 15:3-4.
Hong Jesu a dirisa setshwantsho se: “Fa o na le dinku di le lekgolo mme nngwe ya tsone ya bo e ya le naga, e timela a ga o ka ke wa tlogela tse di masome a ferabongwe le metso e fera bongwe wa latela e e timetseng go fitlhelela o e bona?
5Mme o tlaa e baya mo magetleng o ya gae ka boitumelo. 6Ere fa o goroga o phuthe ditsala tsa gago le ba o agileng nabo go itumela le wena ka gore o bonye nku e e neng e timetse.

7“Go ntse fela jalo, legodimo le tlaa itumelela moleofi a le mongwe yo o sokologelang mo Modimong go na le ba ba masome a ferabongwe le metso e ferabongwe, ba ba neng ba sa timela!

Sekai ka madi a a latlhegileng

8“Setshwantsho se sengwe ke se: Mosadi o na le diselefera di le lesome tsa madi mme a bo a latlhegelwa ke e le nngwe. A ga a ka ke a tshuba lobone go sekaseka mo dihukung tsa ntlo le go feela mo dikgokgotshwaneng le mo diphatlheng go fitlhelela a e bona. 9A mme ga a ka ke a bitsa ditsala tsa gagwe ba a agileng nabo go itumela nae? 10Fela jalo go na le boitumelo fa pele ga baengele ba Modimo fa moleofi a le mongwe a sokologa.” Go tshwantsha ntlha e ka botlalo, a ba bolelela polelo e:

Sekai ka morwa wa sesinyi

11“Monna o ne a na le bomorwawe ba le babedi. 12Ya re yo mmotlana a raya rraagwe a re, ‘Ke batla seabe sa boswa jwa gago gompieno, go na le go letela go fitlhelela o swa!’ Rraagwe a dumela go kgaoganyetsa bomorwawe ba babedi khumo ya gagwe.

13“E rile morago ga malatsi a se kae morwawe yo mmotlana a phutha dilwana tsa gagwe a etela kwa lefatsheng le le kgakala, koo a feta a senya madi a gagwe mo medirong le mo boakeng. 14Mme ya re mo lobakeng lo madi a gagwe a neng a fedile ka lone, leuba, le legolo la wela lefatshe, mme a simolola go bolawa ke tlala. 15A tshwenya morui mongwe wa lefatshe leo gore a mo hire go otla dikolobe tsa gagwe. 16Mosimane o ne a bolawa ke tlala mo a neng a bona le tsone dijo tsa dikolobe di mo siametse. Mme ga seka ga nna le ope yo o mo nayang sepe.

17“E rile kwa morago a tlelwa ke tlhaloganyo, a ithaya a re, ‘Kana le bone tota banna ba ba hirilweng kwa gaetsho ba na le dijo tse di lekanyeng, di bo di sala, mme nna fano, ke bolawa ke tlala! 18Ke tlaa ya gae kwa go rre ke re, “Rra, ke leofetse legodimo le wena.” 19Mme ga ke tlhole ke tshwanetse go bidiwa morwao. Tswee-tswee mma ke nne modiredi wa gago.’

20“Jalo a boela gae kwa go rraagwe. Mme e rile a sa le kgakala, rraagwe a mmona a tla, mme a mo tlhomogela pelo ka lorato a taboga a mo tlamparela a bo a mo atla.

21“Morwawe a mo raya a re, ‘Rra, ke leofetse legodimo le wena, mme ga ke na tshwanelo ya go bidiwa morwao—’ 22Mme rraagwe a raya batlhanka a re, ‘Itlhaganeleng! Tlisang seaparo se se ntle mo tlung lo mo apese. Le mhitshana wa botlhokwa go o rwala mo monwaneng wa gagwe le ditlhako. 23Mme lo bolaye kgongwana e e nonneng e re nang nayo mo sakeng. Re tshwanetse go dira mokete, 24gonne morwaake yo, o ne a sule mme o rudile. O ne a timetse mme o bonywe!’ Hong modiro wa simologa.

25“Ka nako eo, morwawe yo mo tona o ne a dira mo tshimong, erile fa a boela gae a utlwa moopelo wa mmino o tswa mo tlung; 26mme a botsa mongwe wa batlhanka gore go diregang?

27“A mo raya a re, ‘Monnao o buile mme rrago o bolaile kgongwana e e nonneng o baakantse modiro o mogolo wa go itumelela go boa ga gagwe a sa bolaisega gope’.

28“Mogolowe a shakgala thata a bo a se ka a tsena mo teng. Rraagwe a tswela kwa ntle a mo rapela, 29mme a fetola a re, ‘Mo dingwageng tse tsotlhe ke go diretse thata mme ga ke ise nke ke gane go dira sepe se o neng o re ke se dire; mme mo lobakeng loo lotlhe ga o ise o ke o nneye le fa e le potsane go dira modiro le ditsala tsa me. 30Le fa go ntse jalo ngwana yo wa gago yo o boileng a sena go senya madi mo boakeng, o mo itumeletse ka go mo tlhabela kgongwana e e nonneng e re neng re na nayo mo sakeng’.

31“Mme rraagwe a mo raya a re, ‘Bona morwaaka yo o rategang, wena le nna re atamalane thata, sengwe le sengwe se ke nang naso ke sa gago. 32Mme go tshwanetse go dirwa modiro. Gonne ke monnao; yo o neng a sule mme o rudile, yo o neng a timetse mme o bonywe.’ ”
Copyright information for TsnLEF